BreakFree
30/05/2026
Mmega dikgang tsa borukutlhi le dikgolegelo Mme Rachel Sebinyana le modira melato le motshwarwa wa pele Rre Seabe Sulayman Ramoruswana.
Thamaga Women Conference Day themed 'focusing on the forgotten ones' .
23/05/2026
Ke kgabodisitse dikakgelo tsa bangwe ba rotloetsa gore ke leke bogakolodi bogolo yang mo dikolong. Ke a leboga betsho. Mme tla ke supe gore ke sale ke simolotse.
Ditshwantsho tse di supa bontlha b**gwe jwa loeto lame la go gasa molaetsa yo. Ke etela dikolo ka taletso ya tsone, dikgotla le dithulaganyo tse di tshwarwang fale le fale. .
Mme letsatsi le letsatsi, ke dirisa kgwele ya dinao go phutha thaka e kgweba e. Fa ba le fa, ke ba rute kgwele ya dinao le botshelo ka kakaretso. Ke mokatisi yo o lemogiwang ke lekgotla la Botswana la kgwele ya dinao, jalo ke ruta bana se se maleba. Ke tshedile botshelo jo bo makgwakgwa, ka fetola botshelo le tsela ya go akanya, jalo fa ke bua le bana ba, ke ba ruta....ga ke ba reye kere "gatwe".
Sebe sa phiri fela ke itsholelo e e makgwakgwa. Mme se Modimo a se re nayang se a re tataisa betsho. Kemo nokeng e teng from the community le batsadi ba bana . Seo ka bosone se fetola selebego sotlhe.
Maungo a se ke se dirang ke dumela gore a mo pepeneneng. Ngwana wa mosimane fa a fitile fa, o sisela botshelo. A itse bogolo jwa Modimo le maduo a borukutlhi.
21/05/2026
Santlha fela ke gore fa o goroga mo kgolegelong, o fitlhela batho koo , ba bangwe ba bone ba setse ba kibile sephatlo sa dingwaga tse ba di tshidileng, mme ba santse ba kiba kgolegelo fela. Bangwe e le ba ba tswang ba tsena. Motho fa a gololwa gompieno kamoso o buile. Jarata eo , ba e itse go gaisa jaaka ba itse metse ya bone ko g*e.
Ebile ke gopola Rre Ntake go tswa ntlheng tsa Kasane kwa godimo kwa.... Story le half ya sone Rre yoo. Mogoma ne ba mo gololwa go le Matlhatso. A sena go kiba dijara di le thataro le dikgwedi di ferabobedi (lekwelea-twalaza-6.8- bluebaki straf) , basimane ba re ke 6.8 kgotsa lekwelea. Ntake fela jaaka a gololwa a bo a tlola molapo a ya botlhaba, Tlokweng. Ke a bona e rile fa a tloga a fetsa ka e ne e le motho wa dizwapo tsa kontle,majuta ba mo rata...ba nna ba mo latlhelela sengwenyana ba mmeela gore e re letsatsi le a gololwang, a new metsi mo tseleng. A goletse fa godimo , a le diatla ditelele jaana. Senatla sa Monna ruri. A itlhokela fela tlhaloganyo .
Tota le Rona moteng, fela jaaka majuta, re ne re iponela iyethe fela mo go Ntake . A lebega a ka se tlhole a gata ka lenao mo jarateng e gape mo botshelong jwa gagwe.
Fa a fologa ko dipotong tsa Tlokweng nako tsa maitseboa , ke fa jaanong a sa bolo go lekanya. A Khanna dipotsane. A kgoretse kontle ga letlalo.
Kante mogoma fa a ntse a a ja mmedi jaana (a pantita), o kgatlhegela kgarebe nngwe ya lejuta ya mokgalagadi a tsamaya a setswe ke marago morago jaana.
Fa a ntse a tsile go tlhagola tlhaga ka dizwapo jaana, o libile jarata ya kgarebe e, o libile fa a tlaa tsenang teng letsatsi le a tlaab**g a tsile go itse Mme yo kontle ga tetla ya gagwe. Owaiii! E rile mosupologo o ne o o latelang , ke fa a boela moteng Ntake. Ke raya le fa e le bogolo tlhe go palama khombi kontle, nnyaa wetsho!
Ija! kana kgang tota ga se Ntake, kgang ke gore le bo Ntake ba eseng bo iyethe ka puo le ditebego wa ba fitlhela gone koo fa o tsena.
Gape information e teng gone kwa. Kgetsi e tshwana le ya ga Lovemore Sithole ba sale ba e itsile a ise a goroge. Ba sale ba bone fa go phoso teng, fa go kotsi teng. Fa rona kontle re ne re eletsa gore o kare Sithole o ka kalediwa. Bone ba ne ba eletsa go mmona ba mo reye bare , "Monna why confession! Golo fa go ne go sena case kana ...mme legal e itatole". Bane bangwe ba eletsa go itlhola bokgoni jwa kitso ya semolao ka go nna mogakolodi wa ga Sithole. Go seka kgang e.
Ba setse ba itse bone, gore yone case e , e tshwana le efe e e kileng ya direga e e mo law report. E direga leng, kae, gorileng. Le gore mmelaelwa o ne a dira jang gore a gololwe. Ba fa dikgakololo tse jaana , ba ikaegile ka molao ebile ba quote dikgetsi tse di fentsweng ke ba belaelwa le ko bo Amerika kwa tota.
Jaaka go agiwa defense ya go itatola confession e tshwana le ya ga Lovemore jaana, dikiteo tsa ba sepodise le pateletso go confessa e nna jone boikokotlelo jwa manganga ao.
Ke sone se mmelaelwa a kgonang go gakolola ke bone babueledi ba ba moteng ba gore mosele wa p**a o etßwa gale, gore jaanong a nne le record ya kokelo, a botebote ko kokelong ka di check-up from day one mo prison...di appointment tse di sa feleng. Mangole gotwe gaa bereke, mokwatla gotwe o sule. Ebile a kwaletswe materase a botobetobe ke ba marapo ko kokelong. A tsamaya ditshidilo tsa beke le beke. A kwaletswe le metsi a a molelo go tlhapa . E le molwetsi tota. Tiragalo e ya go itwatsa e kgona go tsaya nako tota, e tlhomola pelo. E tsietsa ebile nako dingwe e lebega e le boammaruri. Fa ba bosekisi ba a ja monàte le go tshwarwa ke tsele le tsele kontle , bone ba semeletse, ba file selo se le sengwe fela maatla le natla ya bone yotlhe . Ba tsogela mo go baleng dipolelo tsa basupi, barobala ba kile ba nna phuthegonyana go agiwa iphemelo.
Nna bolwetsi jwame e ne e le constipation. Bolwetsi Jo bo ne bo nthusa go tswela kontle le go ja botoka .Ke ne ke kwaletswe ditlhapi, dinawa le bo di vege ke ba b**gaka! Ke kgona go isiwa Lobatse gotwe ke ye go bona dietitian yo o faphegileng gone koo. E tlaabo e rwalega mmadisefo ya majuta e nthwala. Nna ke sa lwale. Ke le mo zwapo le go tlhatswa lence. Le intshwarele ke le senyeditse nna le puso Batswana betsho🙏
Owaii tseo di ngangatlela tse puso e ba di neelang ka dipurapura , bana fela, bontsi ba a bo e le gone ba itswelang sekolong fela, ba simolola loeto la tiro e ya bone ya b**gangatlela e. Jaanong o fitlhela ba ithuta tota mo di case di tshwana le tse, ba latswa practical...a bolelelwa gore re nganga jaana sir. Leene a bo a bona gore heelang case ke ye fa ye🙆
Mme wetsho! Ko befelelong jwa letsatsi, thato ya Modimo ke yone e nnang e direga. Matlhajana a banna bao ga a nke a fenyetsa ruri. Go retelelwa le bone bo Advocate tota nako dingwe. Mme ebile ga gona motho ope yo o ka ratang go fetoga monale bogole fa a fiwa monyetla wa go itlhophela. Mme kgetsi ya pelaelo ya polao ya motho yone, fa e go eme pele, o itlhophela bonale bogole letsatsi le penne. E ka nna jwa go tlhoka puo, kutlo kgotsa go latlhegelwa ke tlhaloganyo. O lebala le gore o kile wa nna le seriti. O sa patelediwe, o itlhophela bonale bogole....
Jaanong wetsho, se letle boikgogomoso go go latlhela ka lemena le le tlaa boang gape e le lone, le go apola mabela fa pele ga matlho a lefatshe lotlhe. Se letle lorato go go sira pono.
Choose freedom
No to pride
No to ignorance
No to greediness
No to peer pressure
Click here to claim your Sponsored Listing.
Category
Contact the organization
Telephone
Website
Address
Gaborone
Opening Hours
| Monday | 09:00 - 17:00 |